Matlapa

by Carol Fofo

 

Tori Moremi le Sofi ba ne ba tsamaya ka tsela e e tswang Tshwane ba tswa go boloka tsala ya bona. Fa ba ntse ba tsere dikgang, ba tshegatshega foo, ba leka go ikgomotsa, Tori a emisa koloi ka tshoganetso. ‘Ao, ke eng moratiwa? Goreng o ema?’ ga botsa Sofi ka kgakgamalo. ‘Hei, moratiwa, ga ke bolo go bua ka pelo ke re tshingwana ya rona e tlhoka go tokafadiwa. Bona matlapa a mantle a le. Ke a go a tsaya ke kgabisa tshingwana ka ona. O a itse le wena gore borre ba Diepkloof ba nja ditshego fa ba bona tshingwana ya me. E bifile e bile bana ba tshaba go laletsa ditsala tsa bona go eta kwa lapeng. Gompieno gona ke tshotse tharabololo.’ O ne a bua a fegetswe e kete ngwana a filwe dimpho tse a ntseng a sa bolo go di tlhoka. A buela ka bonako mme a gwantela kwa pele. Sofi mafoko mangwe a tsewa ke phefo a sa a utlwe; a makaletse monna wa gagwe. 

‘Bula butu, Sofi.’ Le go kopa a sa mo kope, a mo laela! ‘Bathong! O boleletse ruri o a a tsaya?’ Karabo ga e a fitlha kwa go Sofi. O kgatlhantshitswe ke tebo ya bogale fela. Tori o ne a na le nako ya bonolo le ya kgakalo. A ka tshega le wena gone jaanong mme a fetoge a go galefele kwa ntle ga lobaka. Se, se ne se kgopisa Sofi thata. O kile a leka go tlhagisa maikutlo a gagwe fa Tori a itumetse gonne fa a galefile go ne go se yo a ka mo kgonang. A bo a sentse dilo le go feta. Tori a mo ngalela beke yotlhe a re Sofi ga a rate go bona motho a itumetse. ‘Wena ema ka fa nna ke tla tlolela terata ka fale ke kuke matlapa. Ga a boima. O ka iponna le wena. Fa ke go neeletsa o a beye sentle mo butung. Kana wena o ka a latlhaganya fela.’ Lefoko la ga Tori le ne le agelwa mosako. Sofi a itshoka fela jalo a tshaba le go ngongorega ka boima jwa matlapa le mogote wa letsatsi. Fa Tori a bone gore a lekane a boela ka kwano ga terata, mme ba wela tsela. 

‘Hee! Ba tla ntlotla go tloga jaanong. Ka moso o phakele o ye kwa Bara o ye go reka malomo. Ke lapile ke botshwakga jwa gago, Sofi. Nna ke tla re fa o sena go tlhagola sentle ka baya matlapa a. Fa ke fetsa wa jwala malomo wa nosetsa.’ ‘Tori ke wena o tshwanetseng go tlhagola. O kile wa bona kae mosadi a kitla lefatshe ka garawe monna a ntse a le teng? Ke tla hira basimane ba tle go baakanya tshingwana e. Gona o kobetseng malome Motale? O ne a e kgona, tshingwana ya rona.’ ‘Se kwate tlhe mogatsaka. Ke ne ke itshamekela fela. Go siame re tla hira basimane ba e khenekha. Ba dira boatla fela, ke mo godimo ga bona!’ 

Boatla jo o ne a bua ka jona e kete ena ga a boatla. O ne a rata bophepa mme fa re leba sentle, e ne e le lesutlha. O godile a latlhaganya dilo a itse fa mmaagwe a tla go di nopa. A ka seke a apara matalanyane kgotsa jeresi gabedi. Nako eo ke fa a santse a nna kwa ga gabo kwa Mofolo. Mmaagwe o ne a tlhatswetsa batho diaparo, a di sidilola. E le setswerere. O kile a dira mo femeng ya diaparo mo lefapheng lwa tshidilolo ya diaparo mme tiro ya mo felela. Rraago Tori ena go sa itsewe gore lefatshe o le tsamaya kae. O sale a tsena ka lenga la seloko Tori a sa le monnye. Bokgaitsadie ka bobedi le bona ba na le borre ba ba fapaneng. Mmaago Tori o tlhokile lenyalo. Botlhe banna ba a nnileng le bone, ba mo tshodisitse bana ka go mo tshepisa lenyalo mme e re fa a sena go ima ba tlhanole direthe. A itlhoboga ka o wa boraro. 

Kopano ya ga Tori le Sofi e ne e gakgamatsa ba le bantsi gonne Sofi buka o e phetlhile go fitlha le kwa yunibesithing ya Bokone. A ithutile ka ga bonetetsi jwa dikhomputara. Tori ena o rile go wetsa lokwalo lwa materiki, a e ribega. Malomaagwe, rraTomi yo o neng a dira mo lebentleleng lwa diaparo tsa Mantariana, a mmonela tiro koo mo phatlheng ya gagwe fa ena a ya kwa lekaleng lwa Tshwane. Tori mo diaparong! Ba mo tswela kae! 

Kamore ya ga Tori fa e ne e le lekau, e ne e tshwanetse go nna karatšhe mme; ka fa ba ne ba se na koloi kwa ga gabo, a thibela foo. O ne a kgwagetsa diaparo tsa gagwe mo morago ga lebati. Di turile. Bontsi jwa tsona bo sa tlhatswiwe ka matsogo, bo isiwa kwa basuging ba diaparo. A re o ikhutsisa mmaagwe. O ne a sena le letswalo la go isa gempe koo. O ne a reka dilwana tsa fa gae jaaka thelebišene le seyalemowa ka bongwe ka bongwe gonne bontsi jwa madi bo ya kwa diaparong. Baagisani ba ne ba sa itse maemo a ka fa lapeng ka a ne a sa letle ope go itshunya mo mererong ya ga gabo. Ba mo tlotla ka gobo a ba gaisa ka moaparo. 

O ne a tumile ka go ithata. Motshetshe wa borukgwe jwa gagwe o no o ka sega senkgwe! A gatela kwa godimo le mmele o dumela. Ka mmala a le thokwa, matlhwana e re a matšhaena. Meno a lekana sentle, a le masweu. Dipounama di le dikima, a rata go di latswa fa a bua. Lentswe le le kwa tlase e kete metsi a noka mo thapameng. Setlhako se tsabakela tota le mo ditholeng. Moriri o fokoditswe sentle mo ditlhakoreng. Fa a tsena kwa meriring ba ne ba mo itse. Alex a laetse gore ba mo obamele gonne a duela go feta selekanyo. O ne a sena ditsala ga e se motswalae, Matome fela. O ne a tle a re ga a tshepe ope. Lefufa le lentsi mo lefatsheng e bile batho ba ka go phuaganya. Bokgaitsadie le bona a sa ba lebale. Ba le turu. 

Makgarebe a a mmalwa a a fetileng mo go Tori, se se gakgamatsang, a tshabisitswe ke lefufa lwa gagwe. Fa a ka akanya gore kgarebe ya gagwe e mo dira sematla le podi nngwe, (jaaka a ne a ba kaya) go ne go nkga go sa bola. Ke mang a neng a ka itshokela dilo tse? Le fa a ne a le bogale, o ne a se yo mo letsogong. O kile a bona molekane mongwe wa mmaagwe a mo itaya. A ikana gore ga a kitla mo botshelong jwa gagwe a itaya mosadi. Makgarebe a ne a mo rata. Makau le ona a ne a itse gore fa kgarebe e tserwe ke Tori, go raya gore ke ya maemo a a kwa godimo. O ne a ya dikgaisanong tsa bommabontle go ya go itlhophela yo a tsereng sefoka. Go le bonolo go dumelwa. Dinako dingwe o ne a ikgantshetsa bona e bile ba mo lwela a ise a bue sepe nabo.

Mariga a ngwaga wa boraro wa ga Sofi kwa Bokone a ne a se tsididi jalojalo. Fa a boela gae kwa Ga-Rankuwa, fa morago ga ditlhatlhobo, o ne a bona go tshwana le fa ngwaga o fela. Bothitho bo ne bo mo tlhokisa go nna fa lapeng. Ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba ikaeletse go dira dilo di le dintsi mmogo. Bangwe ke ba gona kwa Tshwane.O tlogile a sa ba itse mme go tlhakana nabo kwa Bokone, a utlwa ba bua puo e le nngwe ya motswako wa Sepedi le Setswana, a ja monate. Ba tlwaelana. 

Bokone bo ne bo sa tlhole bo le bodutu mo go ena. Thatathata o ne a rata Mokgadi. A ithuta bojalwa le sekerete kwa sekolong. O ne a tshepile botlhale jwa gagwe. A itse gore le fa a sa tsenele dithuto dingwe, fa fela a butse buka gangwe, o ne a ba gaisa botlhe ka maduo. Le fa dikolo di tswetswe, a sa itshwenye ka buka. Sa gagwe e le, ‘mma ke ile.’ Mo gongwe ba ne ba utlwa koloi e duma fela ba itse fa a tsene tseleng. E tla fologa thaba ya kwa matlong a magolo a Ga-Rankuwa e lebile kwa 16-e-Tona kwa tsaleng ya gagwe Mokgadi. 

Leina le la ga Sofi o le neilwe ke rraagwemogolo. O ne a ikgopotsa Sophiatown ka lona. A re dikhuduga tsa kwa Sophiatown di mo tliseditse mahutsana a le mantsi. Setlogolo sa gagwe Sophia, o mo tlisetsa boitumelo jo bontsi e bile ke mmamoratwa wa gagwe. 

Fa Phukwi a tlhola letsatsi, motswalaa Tori e bong Matome a dira moletlo wa matsalo a gagwe. O ne a sa bolo go kokoanya madi. O belegwe ka kgwedi ya Seetebosigo mme ka go tlhoka, a emisa pele a ka bona a le mantsinyana. Ke mang yo a ka tlholang a botsolotsa dipotso; a bala dikgwedi? Tori a ya letsatsi pele ga moletlo go thusa foo le foo. Jaaka gale madi a ne a tshologa mo go ena. ‘Wa rra bua fela, ke tla duela!’ O ne a raya motswalae, Matome. Ba swe ka ditshego; ba phophothana mekwatla tsatsi lotlhe. 

Letsatsi la moletlo Tori o ne a tswile a ile teropong go feleletsa theko. Sofi o sadile a goroga le Mokgadi. ‘Matome, yo ke tsala ya me Sofi,’ ga bua Mokgadi. ‘Mokhadi, o sa ntse o rata bokwapele. Ausi yo o pilapila yo o kopane kae le ena?’ ‘Ao bathong Tomi, amogela moeng o tlogele go balabala. Sofi ke Matome yo. Ke ena Mr party.’ ‘Ashee!’ Sofi o ne a sa bue thata. Bangwe ba ne ba mo kaya a le ditlhong fa bangwe ba re ke go ikgantsha. Tsotlhe tse o ne a di itse mme a sena sepe le puo ya bona. A llisa dinotlolo ke fa Mokgadi a laela: ’Tomi, re a boa. Re sa ntse re ile go tlhapa.’ E ne e le ka ura ya bongwe fa ba rialo. Batho ba goroga ka bontsi. Sofi a rutla koloi; ba tsamaya. Batho ba sadile ba rogana fa ba ntse ba itlhotlhora dithole. 

Go thubagana ga lebati lwa koloi e e neng e kgannwa ke Tori go utlwetse ntlheng tsotlhe. Batlamoletlong ba ne ba ithaya ba re ke koloi ya gagwe. E le ya ga rraTomi. A itšhampile jaaka gale. Makgarebe a rokotsa mathe. Malomaagwe go bona difatlhego tsa makgarebe di nyebile tsotlhe, a itima bogale, a boela kwa ntlung. Ga se kgale a rekile koloi e. Ntlhang Tori a sa e tlhomphe! Tori a tsamaya ka setapa sa gagwe se a neng a tumileng ka sona. ‘Ke abuti wa ko Josi.’ ‘O tsamaya le mang?’ ‘O nyetse?’ Dipotso tse di ne di botswa ka ga gagwe, ene a se moo. A sa bone le gore go batho foo. ‘Khasi, ke tseo diphasela. Nna ke ile go tlhapa.’ ‘Ao, ga a ise a tlhape. A nkga monate jaana!’ Ba tsenwa le go feta, makgarebe. Motshameka dipolata a golaganya megala ka iketlo. Fa Tori a sena go tlhapa, kgalalelo ya gagwe ya sira kgoro. Mmino wa simolola kwa tlase, wa tlhatlhoga jalo go ya ka kaelo ya seatla sa ga Tori. O ne a ntse a se sokamisa. A raya gore modumo o tlhatlhoge. O ne o ka ithaya wa re ke moletlo wa gagwe. 

Dijo tsa tsholwa tsa abelwa batho. Ba ja ba ntse ba oba ditlhogo go ya ka morithitho wa mmino. Mokgadi le Sofi ba goroga morago ga nako e telele. Batho ba ne ba setse ba fisitswe ke letsatsi, dirafentlele tsa thini di apogile. Bona ke fa ba galalela ba sa tsutsubana ke go nna tulo e le nngwe nako e telele. Yane e kete ba dirile ka bomo. Matome a ba kgatlhantsha. Meriri e tsabakela mo letsatsing. Mafura a kgabaganya molala wa gagwe o o nonneng e bile o le lengope a ela le kholoro. A apere borukgwe jo botala jwa sileka le gempe ya teng. A eta a goletsa borukgwe go fitlha matogonyana a gagwe. O ne a na le bopila jwa bana ba dingwaga tse thataro. Motho o kare o santse a tla gola, a bopega senna. Le ditedu e le boboa fela. Nako dingwe tete e ne e rotha a e phimole ka bonako a ise a bonwe. A le bonolo, batho ba mo rata. ‘Huu! Tsenang tlhe. Ke lo beetse ditulo ka fale le dijo di tshotswe klaar. 

Ba tsenelela kwa kamoreng ya ga Matome. Yona e ne e le fa thoko ga karatšhe kwa ntle. ‘Tomi, o ka re isa kwa ofising ya haho ya boitaolo? Re batla go boniwa mo ntle mo. A kae makau?’ Ga botsa Mokgadi a ntse a tshegela kwa godimo. ‘O isa kae makau ke le teng? Kana khang ya ka le wena ha e ise e fele, Mokhadi. Le hale, ke hona o tsenang. Ja re tla bua.’ (Baagi ba Tshwane ga ba kgone go bitsa ‘g’ le ‘kg’). A tswa. ‘Tsala, khante o ntlisitse mo o ntse o itse hore o Ms party? Mokgadi a nyeba. ‘Matome ke a mo rata. Ke ntse ke tshaba fela go mmolelela. A ka tlhaga a itshema motho.’ 

Fa ba ntse ba keketegile jalo ba utlwa lentswe le re: ‘Le tla nwa eng boausi? Re na le diBertrams.’ ‘Rona ga re nwe abuti. Senotsididi se tla siama.’ A ya go ba tseela sona. ‘Ke mang yole, Mokhadi?’ ‘Le nna ga ke itse. Ha se motho wa mo Rankuwa. Re tla botsa Tomi. Ke nyoretswe seno se se bohalaka mme fela re ka se se nwele fa habo Tomi. Ba bohale. Ba rata melaonyana. Ke motlholo ba dumelletse dino.’ ‘Didimala, ke yoo o etla.’ Tori o ne a re o a bua lentswe la mo kgama. A di baya fa fatshe a tsamaya. ‘Askis, abuti, dinotsididi re tla di nwa ka eng? Kampo o santse o tlisa dihalase?’ Matlho a ga Sofi a ne a fetogile. A le borokonyana fa a botsa potso eo. Tori a nyeba a tswela kwa ntle. O ne a ise a kitliwe ke letswalo jalo, a tsentswe ke ngwanyana mo sepitleng. Lentswe lona le mmitile; mafoko a fedile. O kile wa bona kae morekisi a felelwa ke mafoko? Ba sala ba mo ja ditshega ka kwa kamoreng. 

‘Wa rra, ke bomang ba ba ntseng ka fale?’ ‘O raya jang? Ha wa ba botsa? Ke ho rometse ka fale hore o tle o ikitsise bona. Ke Mokhadi le tsala ya hahwe Sofi. Ba kwa Turfe mmoho. Ao dibra! Ho tloha leng o tshaba banyana?’ Gongwe ke go tswa Turf go ga bona go go tlhakantseng Tori tlhogo. Ba ne ba na le go itshepa go go rileng. Go ne go kwatisa Tori mme a se ka a rata go bontsha maikutlo a gagwe. Sentlentle sengwe godimo ga moo se ne se le teng. Se ka batlwa se ka bonwa. Tori o ne a ema tlhogo. Maemo a moletlo a mo fetogela. A nwa go feta selekanyo a ikentsha letshogo le tenego. Setshego sa bona se duma mo tlhogong ya gagwe. Fa a ikutlwa a siame, a boela kwa kamoreng. A fitlhela ba seyo. O ne a thuba sengwe ka moo a neng a galefile ka teng. Matome ka a ne a mo kgona, ga bidiwa ena go tla go tlhatlhola ntwa ya monna a lwa le diraka. 

Fa Matome a sena go bua naye ka tsela e e itsiweng ke ena fela, a siama a tshegatshega. Bojalwa bo ne bo fokotsegile. A kopa go ya kwa go basetsana bao. ‘Tsweetswee, o itshware, tlhe monna. O seka wa ntlhabisa ditlhong. Kana, ka Mokhadi ke setse ka dikilometare di se kae a bo a re ho siame. Le hona, re tsere koloi ya ntate. Fa re ka lwa le batho kwa pele, ba tlile go e tlantla.’ Matome o ne a bua a rapela Tori. Tori a mo tshepisa gore o tla itshwara. 

Ba letsa hutara fa kgorong ya gaabo Mokgadi. Ga tswa mosimanyana a re ba ile felo gongwe. Matome a kaela Tori fa e ne e le felo ga boithabiso. Tori a gakgamala thata gore mosadi wa ditoro tsa gagwe a ka ya koo. Le gale, o ne a bo tlhabile le ena. Fa ba tsena a ba fitlhela ba nwa yona Bertrams e ba e ganneng kwa moletlong. ‘Re tla lala re bone!’ Matome o ne a sa nwe le fa a ne a tlwaetse go tsamaya mafelo ao. Tori o itheile a re go jalo ka makgarebe a. A tshoga thata fa a bona ba abelana dikerete. A tlala tšhakgalo e kgolo. O ne a akanya gore ba mo tsieditse ka go sa ntshe nnete yotlhe ka ga bobona. A ikana go ba ruta molao. 

‘Mokgwaro ke ono.’ A ba abela. Ba tshoga fa ba bona Tori le Matome. ‘Re a leboga. Re na le ona.’ Ba leka go bipa dino ba palelwa. Letshogo le ditlhong di ba imetse. Ba bona gore bogolo ba repe. ‘Tomi, ke mang tsala ya haho? Re mmone motshehare mme ha a re ikitsisa.’ Mokgadi a botsa ka lenyatso. ‘Ke Tori. Ke khasi motswala.’ Matome le Mokgadi ba nna ba tlotlatlotla fa Tori le Sofi ba didimetse. Ba ne ba ntse ba utswana ka matlho, ba kelekana. Mo ba itebetseng gona, matlho a bona a kopana. Sofi a usa sefatlhego. ‘Ke a bona. Le ditlhongnyana di teng.’ Tori a akanya mme sefatlhego sa bontsha monyebo. Sofi go bona monyebo a ithaya a re Tori o a mo tshega. A ngala. ‘Ke setse ke batla go tsamaya, Mokhadi.’ ‘Ao tsala a re ise re bine le ho bina. Molato ke eng o itlhahanetse? Khotsa o tshaba Tori. A ka se go lome.’ Mokgadi o ne a sa butswa mo puong. A phanya fela. O ne a ka go tlhaba ka mafoko a sa kgathale gore wena o ikutlwa jang. 

‘Fa o batla go tsamaya, ke tla go isa gae.’ Ga bua Tori a kgokgotha sehuba mo kgokgotsong. ‘Se tshwenyehe. Ke na le koloi ya me.’ Karabo ya ga Sofi ya tlhaba Tori mo pelong. A ipotsa gore ke eng se Sofi a senang naso. Motho fa a batla go mo ngoka a ka dira jang? A simolola go nyatsa maemo a gagwe. Matome yane e kete o bona tsotlhe tse. A mo thusa fa a re: ‘Ha ho tshwenye. Lona tsamayang ba babedi. Nna le Mokhadi re tla latela mo koloing ya me.’ ‘Eh, kana ha se ya haho. Ke ya batsadi.’ Mokgadi gape. ‘O tlhalohanya hore ke raya jang.’ Mokgadi a kgotlha Sofi ka sekgono, a mo notela leitlho. Molaetsa wa fitlha. ‘Ho siame. Ho tla khanna wena. Nna ke setse ke lapile.’ 

Pelo ya ga Tori ya kiba ka mosito o mogolo. ‘Tomi, o ka tsamaya o ise o re binele?’ ga botsa mongwe foo. Tomi e ne e le sethakga mo tirisong ya mmele. Motshameka dipolata a itse le dipina tse a di ratang. A tsenya e lengwe ya gagwe. Tomi a tlhakana tlhogo. Dibaki tsa fofa mo moeng. A dirang! Moriri o phatsima le go gaisa mo maboneng. Wa ne a ema ka menwana ya maoto; e kete o a dikwella. A ba tshwere, Tomi! Ba mo itse. Fa pina e fela, a kgapha sethitho se ka tlala kgamelo. Baki e sa tswe. Le fa a ntse a tuka ke mogote, a e apere. Melodi e thiba ditsebe. Ba leka go mo naya bojalwa ntle le tefo, a bo gana. Kana Tomi o kile a re o ithuta bojalwa, a lwala a boa kwa sepetlele; sona sa Ga-Rankuwa. A bo tswela. Ba tswa. 

Borethe jwa loleme lwa ga Tori ba boa. ‘Basadi ke dinokwane!’ ‘O raya jang?’ ‘Ke raya gore se motho wa bona a se buang, ga se tshwane le se e leng sona.’ ‘Nare khang ya haho e lebile kae?’ ‘Nyaya, ke ne ke kaya fela; ke feta.’ ‘Wa itse ke eng, abuti ke wena, fa o simolola sengwe, leka ho se fetsa. Ha ke rate puonyana e ya haho. Mokhwa wa haho o nyatsa basadi. Ha o re kae sepe. O se ke wa ithaya wa re fa o tswa Josi o botlhokwa ho haisa batho botlhe.’ Sofi a bua ka bogale. Kgang ya bona ya tswela pele ba ntse ba kgakgauthana jalo go fitlha fa kgorong ya ga boSofi. ‘O itsitse jang fa hae ke sa ho kaela?’ ‘Nyaya, se tshwenyege. Re fitile fa pele re tla kwa go lona. Ke ne ke ntse ke dira dipatlisiso ka ga gago. Nka go bolelela sengwe gape se ke se itseng ka ga gago.’ ‘Nyaya, ha ke batle ho se utlwa. Horeng o itirile lepodisi. O itshunya mo mererong ya me?’ ‘Fa o kgatlhilwe ke mongwe, o batla go itse ka ga gagwe.’ Tori a araba a mo tlhabile ka matlho. Sofi a gakgamala; le lentswe la fetoga. La sesafala. ‘Ao. Ke a bona. Ke bosigo nte ke tsenye koloi.’ ‘A nka go bona ka moso? Kgotsa ke itlele fela gonne o ka tlhaga wa loga leano la go sa nne teng. Ke tla tla motshegare.’ Sofi a se bone le nako ya go araba. Matlhajana a tswile ka letlhabaphefo. Tori a mmaya seatla mo legetleng, a laela, a fologa. Sofi a lebetse gore o tshwanetse go tswa, a pote ka fa mojeng, gore a tle a tsenye koloi mo lapeng. Tori a mo tlogela foo a ya koloing ya boMatome e e neng e eme fa morago ga ya bona. 

Phakela mesong Sofi o tsositswe ke mmaagwe a mmiletsa mogala wa ga Tori. ‘A re ye kerekeng.’ ‘Ke mang yo o buang?’ A botsa a ipikitla matlho, boroko bo sa ntse bo mo tshwere. ‘Ke mang a ho reileng a re ke tsamaya kereke? Ke ikhuditse.’ ‘Ke nna tlhe! A ga o utlwe lentswe lwa me. Lapa lotlhe lwa ga malome lo ya kerekeng. Ga go na gore nka sala. Ke batla go go bona. Bosigo bo nnile boleele ntle le wena. Tsweetswee, ikopanye le Mokgadi. O tla bo a le teng. Ke itlhaganetse. Go siame. Re tla bonana koo.’ A baya mogala ntle le go emela karabo. Sofi o ne a sala a ngunanguna a le esi a ngongoregela ka moo Tori a ratang go laola ka teng. O ne a sa mo fe sebaka sa go ntsha maikutlo a gagwe. Ka gale a mo akanyetsa. 

A letsetsa Mokgadi. ‘Tsala, setsenwa ke se se mpherekanya maikutlo. Ha twe re ye kerekeng. Nahana fela.’ ‘Hei, tsala, le nna ke filwe taolo eo ke khosi Matome. A re ye ho bona hore ke eng se se kanakana se re se bilediwang.’ Sofi o ne a sa ikutlwe go ya mme a dumela fela. A ipaakanya a ntse a ikgoga. 

Kwa kerekeng Tori le Tomi ba ne ba ntse kwa morago gore ba tle ba bone mongwe le mongwe yo o tsenang. Ba ne ba tsaya maeto a le mantsi kwa ntlwaneng moo rre yo o disitseng mojako a setse a ba ganetsa go tswa. Tshepo yona ba ne ba na nayo. 

Gare ga thero ga lla ditlhako tsa motsu tsa ga Mokgadi le Sofi. Phuthego yotlhe ya gadima go bona gore ke bomang ba ba thari jaana. Go ne go bonala fa ba sa tlwaela go tla kerekeng gonne moaparo wa bona o ne o sa kgatlhise, le eseng. Sofi a apere borukhu. Gentswana ya gagwe a e beile sakatuku mo molaleng gore mafura a moriri a rothele mo go sona. Mokgadi a ne a apere sekhethe se se khutshwane go di gaisa tsotlhe. Dipotongwane tsa gagwe di gwamile, a di memiile ka lookwane, di ntse di re hwi! Ba ne ba sa rwala mo ditlhogong. Meriri e kolobile, e rotha. Ba ntshitse diphaka kwa ntle. Tsa ga mokgadi di ne di bonala thata ka di ne di le dikima. A šatlhile kantlha ya dingwagangwaga mo patlelong ya bolotloa. Bontsho jwa gagwe bo iphile matla. Sofi ena matsara wa batho, o kare o tla wa mo ditlhakong tse a neng a di rwele. Borukhu jwa gagwe bo ne bo katogile maoto ka moo a neng a otile ka teng. Bo phaphasela mme ena a ntse a temekana a sa kgathale. A le moleele. A sontse nkonyana ya gagwe. Ditsebe tsa gagwe tse di tshabang tlhogo di shibitse ke go imelwa ke mangena a gauta ya tlhwatlhwa e e kwa godimo. 

Ga ba ka ba bona boTori mme ba feta ba ya go nna kwa pele. Moruti Mokone a ba tlhokomologa, a tswelela ka thero le fa batho ba ne ba sa mo reetsa ba lebile pono e e sa tswang go tsena. Metsotso e metlhano morago ga ba sena go tsena ke fa thero e fela. Batho ba ema ka dinao go leba mojakong. Le eseng go tshwenyega! Moruti Mokone a tswa pele a setswe ke bagogi morago. BoMokgadi ka ba ne ba le kwa pele, ba sala mokoloko wa baruti morago. Phuthego ya tla morago ga bona. Kwa mojakong moruti le bagogi ba ema gore batho ba tle go ba dumedisa. E nnile gore le boSofi ba latele, batho ba ba dumedise. Bangwe ba ba feta fela ba ntse ba oketsa mola fa morago ga bona, fa bangwe ba ba dumedisa sentle. Batho ba ne ba ba kaya jaaka baleofi kantlha ya moaparo wa bona. Moruti a ba laletsa go ema naye fa thoko fale, a ba botsa matsogo. Ba itumelela kamogelo eo, ba nna ba tshegatshega. O dirile sentle gonne ba ne ba ikaeletse go sa tlhole ba le baya gape mo kerekeng ka ntlha ya maitsholo a baphuthegi. Fa ba ntse ba tsere dikgang jalo le moruti, Tomi a tla. A dumedisa a ba a sutha le bona ba leba kwa dikoloing. 

‘Sentlentle le ne le re isa kae?’Mokgadi a botsa. ‘Tori o tshwanetse ho boela Josi moraho ha fa. O ne a sa batle ho tsamaya a sa bona Sofi.’ Tori a goroga fa ba ntse ba bua ka ga gagwe. ‘Ladies! Le kae?’ O ne a le montle go gaisa maabane. A le maitseo, a kgatlhisa. Sofi a bona e kete ke mongwe yo mošwa. A utlwa a mo rata. Pelo ya sutha mo mannong, ya ema mo kgokgotsong. Mangole a gagwe a thulana. Matlho a palella mo go moeka. ‘Re ka tsamaya.’ Tomi a bua ka monyebo a kgatlhegela se a se bonang. ‘Re ye kae?’ Mokgadi a botsa. ‘A re yeng kwa gae. Sofi a bua a ntse a tlhabile Tori ka matlho. 

Ba tsena kwa ga boSofi. Mmaagwe o ne a apeile a bile a ipaakanyetsa go tswa. Ba laelana le Sofi. Sofi a mo itsise baeng mme fa morago mmaSofi ena a kgotlha koloi ya gagwe a tswa. Mmaago Sofi e ne e le mosadi yo o humileng. O sale a nna a le esi morago ga loso lwa ga rraSofi. A sa batle ope; a re makau a tseela basadi ditšhelete. O ne a ruta kwa sekolong se segolo sa Modiri mme e rile fa barutisi ba amogwa ditiro a ithaopa go nna mongwe wa bona. A tlogela borutisi ka madi a le mantsi. Madi ao a tlaleletsa mo a mogatse a mo tlogelletseng ona le a boswa jwa dikgomo jo batsadi ba gagwe ba mo tlogelletseng jona. Ga a ise a ka a humanege mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Ena le mogoloe ba tshwaetswe dikgomo ba sa le bannye mme ena a rekisa tsa gagwe. Ka jalo ena le Sofi ba ne ba thuma mo letlepung. 

Sofi a tsholela ditsala tsa gagwe. A notlolla raka, ga tswa tse di galakang. Ba ne ba e notlela gonne ausi Maki e bong modiredi wa bona, a ne a le letsogo mo malweng. Mmino wa tlhatlhoga, boiketlo ba tlala ntlo. Mongwe o bone Sofi le Tori ba potela. Ga go itsewe gore Mokgadi le Tomi bone ba nyamaletse kae. 

Morago ga sebaka ba rotoga ka bobedi ka bobedi. ‘Nako e ile, moratiwa. Ka moso ke la maburu. Ke tshwanetse go tsamaya. O seke wa nteba…’. A se fetse mafoko. A mo ratha ka tladi mo dipounameng. Sofi a kobega mokwatla, a lepella mo diatleng tsa gagwe. Tshupanako ya itaaitaa. A mo emisa sentle. ‘Ee Tomi, a re ye.’ Tomi a tlhaga a tshwere Mokgadi mo lethekeng. ‘O ka sala Mokhadi. Ke tla boa ke ho tsaya ke ho isa hae. E re ke felehetse Tori. O setse a phuthile.’ Tori o ne a sa batle go gadima. Pelo ya gagwe e utlwile botlhoko fa a tlogela mokapelo wa gagawe. Tomi a le ditshegotshego. 

Mogala wa gabo Sofi o ne o lela gararo ka letsatsi. Sofi o ne a ka go bolelela gore fa Tori a letsitse, mogala o na le mollo wa ona o o sa tshwaneng le e mengwe. Beke fa e khutla Tori a sa fele mo Ga-Rankuwa. E le ena e le ena le Sofi. Ba kgomarelane jaaka borekhu bo tšhotlhilwe sebaka. 

Malatsi a boikhutso a ya kwa bokhutlong. Ba boela sekolong ena le Mokgadi. Kgwedi e e latelang a e goga bokete. A fetsa malatsi a le mantsi kwa bookelong. Diteko tsa dirwa morago ga tse dingwe. Mmaagwe a bidiwa. Ga fitlhelwa a imile. Mme ntlhang mmele o sa kokotlele? Dinako dingwe a tswa madi ka legano. Bosigo a sa robale a re o bona dilo. Ba yunibesithi ba tsaya tshwetso ya gore a boele gae gonne ga ba kitla ba nna le maikarabelo a setopo sa gagwe fa a ka swa. Mokgadi tsala ya gagwe a mo eme nokeng ka dinako tsotlhe. 

Ba mo isa kwa bookelong jwa Ga-Rankuwa. Mmaagwe a bona go sena phethogo a mo romela kwa Gauteng kwa Bara. Ga bidiwa bomankge ba tsa kalafo go tla go bona se se mo jang. A newa dijo tse di kgethegileng. O ne a na le dinako tsa bokoa le tsa go thanya. Mme fela a tenwa ke gore ga a kgone go dira dilo tse a di tlwaetseng. Dinako dingwe o ne a palelwa ke go fologa mo bolaong mme ba mo tlisetse serua gona foo. Pelo ya gagwe e le bokoa e tsamaya e ikhutsa. Boroko e le bothata. Bo gana bosigo fa motshegare a ka tlhola a robetse. Le fa a tshikinngwa a sa utlwe. Tori o ne a tle go mmona. A sa itse gore a direng, a bueng naye ka a ne a fetogile. Le ena mmele o nna botlhofo ke go tlhola a akanya. Ngwana mo mmeleng a gola mme go na le mabare mo sepetlele gore bogolo a bolaiwe Sofi a tle a heme kwa ntle le go imeletshega. 

Mmaagwe Sofi a ila Tori ka kilo e e tseneletseng. Ngwana wa gagwe o ne a siame pele a itsane le Tori. Sentlentle o ne a boifa gore Sofi o tshwerwe ke bolwetse jwa thobalano mme a tshaba go bua ka molomo. A re Tori naye a tsewe diteko tsa madi. Tori wa batho o ne a rata Sofi mme a dumela go tsewa madi. Go fitlhetswe madi a gagwe a siame a se na bolwetse bope. Tshepo yona e le teng ya gore Sofi o tla fola mmogo le ngwana wa bona. 

Diteko tsa tswelela. Mmele o setse o le diphatlha fela ke go tlhola a tserwe madi. Ga fitlhelwa e le kankere ya madi. Moruti a botsa Matome kwa kerekeng ka ga ditsala tsa gagwe le tsa bophelo jwa bone. Matome a mmegela ka bolwetse jwa ga Sofi jo bo retetseng. Moruti a itima dijo beke yotlhe a rapelela Sofi. Dingaka tsa gakgamalela phethogo e e itlileng mo go ena. Ba mmaya lobakanyana go tswelela go mo tlhatlhoba. Mmele wa simolola go kokotlela le bophelo ba tsena mo marapong. Ba emisa go mo naya ditlhare. Ba botsa mmaagwe gore a o ntse a mo naya eng kana go matwetwe o a kileng a tla go eta. A latola. O ne a sisimoga boreaitse a re ga ba tlhape e bile ba jela batho madi. Ga a ka a gakgamala go utlwa gore Sofi o a fola ka a ne a beile tshepo ya gagwe mo go borasaense. 

Dikgwedi di ne di ile le ditlhatlhobo tsa magareng a ngwaga di ne di simolotswe go kwalwa kwa yunibesithing. Sofi a tletse khutsafalo mo moeng ka gobo a palelwa ke go kwala. Ngwaga o fetile fela, le nako ya pelegi e ise e atamele. A lokololwa kwa sepetlele. O ne a ntse a kokotlela le dijo a ja dingwe le dingwe. Tori wa batho a ntse a mo tshegeditse. Mmaago Sofi a santse a mo kwatetse. Go ne go se monate ka fa lapeng fa Tori a etile. Le lerato la bona le tsidifetse. Sofi o ne a tlhola a galefetse Tori, a ntshetsa kutlobotlhoko mo go ena. Matepe otlhe a gagwe le a bongwana a iphile matla. Tori o lekile gore o a bua a latlhela fa fatshe. A kabo a sa bolo go ngala fa e ka bo e se lesea le le mo tseleng. 

Ka gale Matome a mo gomotsa. Ena le Mokgadi ba ne ba tsweletse ka tsa lerato la bone go se letsapa le le fisang pelo. Ka gale o ne a etela kwa Bokone a fetsa malatsi mo kamotshaneng ya ga Mokgadi go tloga nako e a neng a felelwa ke tiro ka yona. E ne e se motho yo o nnang sebaka mo tirong ka a ne a re o lapisiwa ke more baas, o batla go ipereka. Le fa go ntse jalo o ne a le lesego mo go boneng tiro mme a e phuaganya gangwe le gape. Ka nako ya dikgwedi tsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang Mokgadi a re a kgaotse go mo etela. Ke yona nako e Tori a neng a mo tlhoka ka yona. Jaaka tlwaelo Latshipi le ne le tlhaba ba ya kerekeng. Ba setse ba tsalane le moruti Mokone. Moruti o ne a dirile thata le baša. A itse masaikategang a ditlhaloganyo tsa bone. 

Moya wa ga Tori o ne o le botlhoko. A setse a rata go lebaleba makgarebe mangwe go itebatsa kutlobotlhoko ya gagwe. Sofi le ena a rata go mo kgoba. A mo gopotsa ka moo a neng a phela monate ka teng pele a mo itse. Mo gongwe Tori o ne a tlodisa dibeke; a sa ye go mo etela. Go thusang? Ruri ngwana wa batho o ne a nganangetse. Mothapi wa gagwe a mmiletsa gangwe le gape kwa kantorong. O ne a sa tlhole a bontsha matlhagatlhaga a le a pele. A tla thari kwa tirong. Thekiso e phutlhama. Tsatsi lengwe a phunya sekaku, a begela mothapi wa gagwe tse di mo jang. E ne e se motho yo o tlwaetseng go bua le batho ka tsa botshelo jwa gagwe mme ka gonne tiro e ne e ka mo felela, a ititaa sehuba, a phunya sekaku. Mothapi wa gagwe a tlhaloganya ka a ne a mo tlwaetse, a mo itsitse e sale setlabošane. A mo naya malatsi a le kana ka beke go ya go ikhutsisa mogopolo. O ne a sa tlhole a tlwaetse go nna mo Molapo ka jalo a ya kwa gabo Tomi. 

Mokgadi o ne a kwadile sentle e bile dipholo di kgatlhisa. O ne a itse le gore o ya go ruta kwa sekolong se se tona sa Modiri ngwaga o o latelang. Sofi go itse ka ga dipholo tsa ga Mokgadi a tlala lefufa. A gana go mmona. Le fa a letsitse a gana go araba mogala. Tomi motsereganyi mo lekokong leo, a nna a leka go kgothatsa, go ba lemosa maemo a ga Sofi. Le fa go ntse jalo, Sofi o ne a sa batle go mmona le ena. Malatsi otlhe a khunologo ba ne ba se na naye. Le mafelo a ba neng ba tsamaya naye kwa go ona, a befela Tori. Fa ba kgaola ngwaga, ba dira kopanonyana ya bona. Sofi ena kwa gae a bogetse thelebišene, bodutu bo mo kitla. Bosigong joo o utlwile dithunthung kwa ntle, go se yo a ka di thuntshang nae. Mmaagwe ena a ile malatsing kwa Kapa. Tori a fetolakaka makgarebe. Le bosigong joo a tshwere yo mošwa. 

Ba kwa yunibesithing ba romelela Sofi lokwalo lwa gore fa a ka kgona, a ka kwala ditlhatlhobo tsa gagwe ngwaga o moša ka kgwedi ya Tlhakole mme a kgone go apara le bamophatho wa gagwe. O ne a na le khomphuthara mo gae mme a tswelela go ikatisa. Motlhatlhaledi wa gagwe a golagana nae ka mogala, nako nngwe ba bonana go tsweletsa dithuto. A tlelwa ke mafolofolo. A ithuta ka thata. Kgwedi ya Tlhakole a kgona go ya kwa Medunsa ka bogaufi a na le motlhatlheledi wa gagwe go ya go kwala teng. Dipampiri tsa tsewa tsa isiwa Bokone. Go ise go ye kae dipholo ke fa di tswa. O bone maduo a a kwa godimo go gaisa le ba ba sa bolong go tsenelela dithuto. Boitumelo jwa gagwe bo ne jwa kaonafatsa bophelo jwa gagwe mme go se yo a ka itumelang naye. A gakologelwa ditsala tsa gagwe.

Matome a bona tiro kwa difemeng tsa Rosslyn. Kakanyo ya gore kgarebe ya gagwe e ya go apara purapura ya mo rotloetsa go ikwadisa kwa yunibesithing ya Aferika Borwa. Motho ke go itokafatsa. Kwa femeng ba mo naya madi a go ikwadisa le tiro ya boikarabelo jo bo kwa godimo ka a ne a kile a wetsa lokwalo lwa borutisi. Lerato lwa gagwe mo go Mokgadi le ntse le ya kwa setlhoeng, le sena dingalo le lenyalo le nkga mo moeng. Tori a leba tsotlhe tse ka pelobotlhoko. Mme o ne a se lefufa mo go Tomi. A mo rata a bile a mo ratela katlego. Go bona seo Mokgadi a bona gore selo se le sengwe se se tlhaelang mo botshelong jwa ga Tori, ke Sofi. Ke ena a isitseng Sofi kwa gaboTori. Ke ena a tla ba kopanyang gape. A ba tla dumela go kopana? Kana ba tlhogo di thata mmogo. Matlapa ga ba riana. 

A kopa gore Tomi a mo ise kwa gabo Sofi. Ausi Maki o ne a ba bolelela fa Sofi a ile Gauteng kwa bookelong. O tla boa morago ga malatsi a se makae. ‘Molato?’ ‘O ile go belega. Ba Bara ba batla go netefatsa fa tsotlhe di siame le pelegi e tsamaya sentle.’ Bosigong joo ba letsetsa Tori go mmegela tse dintšhwa tseo. Tori o ne a ineetse gore Sofi ga a sa tlhole a mo kgathalela gonne a ile bookelong a sa mmegela. 

La ka moso fa le tlhaba Tori a ikopa kwa tirong, a ya sepetlele. Sofi o ne a santse a le kwa boarelong mme a mo leta. Fa Sofi a tswa ka foo ke fa a sa itse Tori. Diritibatsi tse ba neng ba di mo file di mo gakantse tlhaloganyo. Tori a mo utlwela botlhoko e kete a ka mo tsaya a mmaya mo sehubeng sa gagwe. O ne a na le bontle jwa bongwana. Fa a ntse a mo lebile jalo, mooki a goroga le lesea. Le ne le itekanetse le le lentle. Tori a kuka mosetsanyana wa gagwe. Keledi ya tswa ya rothela ngwana. Ngwana a lela. Mmaagwe a thanya. Tori a palelwa ke go itshwara a nnela go kitla sello. Fa Sofi a bona Tori a lela a kgotlhega mo pelong. E ne e le lantlha a mmona a lela. A seka a itse gore a direng. Maikutlo ale a fa a ne a mmona kwa kerekeng a boa a tswa a tlhakane le a a tibileng. Tori ke ntate gompieno! 

A phimola dikeledi. Ba lebana. A mo naya ngwana go mo anyisa. Sofi a palelwa ke go anyisa ngwana. Mašwi a gana go tswa. Tori a ema a ya go tsaya lebotlolo lwa mašwi kwa go mooki. Ba ne ba sa bue sepe. Kgang e le mo dipelong tsa bona. Sofi o ne a santse a le bokoa. Tori a tsaya ngwana a mo anyisa. ‘O itsetse kae go anyisa ngwana?’ ‘Kana ke na le bonnake ba le babedi. O seke wa itebatsa. Ke ithutile ka bona.’ A araba ka bokhutshwane. Sefatlhego sa ga Sofi sa phuthologa. Tori naye a phuthologa. Motlotlo wa tswela pele go se yo o batlang go bua ka se se ka kgopisang yo mongwe. Ba kgona go tila masula go fitlhela nako ya baeng e fela. ‘Ke tla boa gape.’ ‘Go siame.’ Tori o ne a ise a ke a akanye ka tiro e kgolo e e neng e le fa pele ga gagwe ya go godisa ngwana. Go bona ngwana ga tlisa dikakanyo di le dintsi mo mogopolong wa gagwe. Sengwe gape se se neng se mo tshwenya ke maikutlo a ga Sofi. O ne a sa itse gore o eme kae naye. 

Mothapi wa gagwe, Antonio, o ne a gaballetse go utlwa dikgang ka ga lesea. ‘Ntlhang e kete ga wa itumela. Re tshwanetse go keteka. A re ye go itshwara ka sengwe morago ga tiro.’ O ne a gaketse mme Tori ena a se moo. ‘Ga ke tlhole ke nwa bojalwa. Ke rre wa lapa. Ke rraago Mmapaseka. Ke batla go naya ngwanake kgodiso e e siameng ya rre yo o nnang mo gae. Go tloga jaanong ke latlhile tsotlhe. Le ona makgarebe a le mantsi, go fedile ka ona.’ Mothapi o ne a itumelela mafoko ao. ‘O tota o godile. Ke a bona gore dingwaga di ile jaanong.’ Tori o mo neile leina la Mmapaseka gonne o tsetswe ka kgwedi ya Moranang e ka yona go ketekiwang moletlo wa paseka. Mmaagwe ena o ne a mo file leina la sekgoa, Yolanda. 

Sofi o ntse dibeke di le pedi fela kwa bookeleng. Maemo a gagwe a ne a kgotsofatsa dingaka. Kankere e ne e okobetse. Fa a boela gae o fitlhetse mmamalomaagwe a etile mmogo le malomaagwe. 

‘Abuti, jaaka ke sa bolo go lo begela ka maemo a motlogolwago – Sofi, ke leboga fa le tlogetse ditiro tsa lona go tla kwano. Ke utlwa le mmangwane a bua ka moo kgwebo ya lona e ntse e wa e tsoga ka teng. Ke a tshepa dilo di tla boela sekeng.’ Ga bua mmaago Sofi. ‘Nyaya nnaka, kana Sofi ke ena fela setlogolo sa me. Go ne go se ka moo nka itunnang fela ka teng. Nare, la re mosimane o ke wa gamang? Maikaelelo a gagwe ke afe?’ Ga botsa malome a ntse a goga ditedu tsa gagwe. ‘Ke Moremi, mme o nna kwa Gauteng. Leina lona ga twe Tori. Ga ke kgone go tlhaloganya gore motsadi a ka taya ngwana leina Tori, fa a tsaya pila.’ MmaSofi a bua a thikitha tlhogo. ‘Nneh!’ A kgotsa. ‘Jaanong ausi, bolwetse…?’ Mmangwane a botsa. ‘Bo kokobetse. Lesea lona ga le na molato. Go raya gore ga bo tshwaetse bana. Re lebile kwa mmu wa sekara o tla welang teng.’ 

Malome: ‘Re tshwanetse go rulaganya tsa lenyalo.’ ‘Ao abuti, a mme go nna le ngwana go raya gore ba tshwanetse go nyala? Kana nna mosimane yole ga ke batle go mmona mo ntlung ya me. Ke ena a tsenyeditseng ngwanake bolwetse. Gona gore e nne mokgonyana wa ka, nka itoma sekgono!’ ‘Ausi iketle. Ke wena o tsenyeditseng ngwana o bolwetse jo. Kankere ga se malwetse a rona batho. Ke a makgoa. O mo godisitse sekgoa. O ne o sa itse gore le malwetse a sekgoa a tla mo wela, haa!’ Mmamalome a bua a šakgetse. ‘O itse gore ke eng wena. Ga o na puo epe fa. Re mo bothateng wena o batla go mpherekanya maikutlo. Ga se nna yo o rileng o se nne le bana.’ ‘Didimalang! Ga lo kgone go fetsa metsotso e le metlhano lo ise lo lwe? Go tloga jaanong go bua nna fela. Lona lo re tuu!’ Malome a kgalema. A baya letlha la go ya kwa gabo mosimane le la lenyalo. 

Tsotlhe tse di ne di rerwa Sofi a ntse a le kwa phaposing ya borobalo. O ne a emetse fela go utlwa gore botshelo jwa gagwe bo tla go tsamaisiwa jang. Go ne go gakgamatsa go bona Sofi a didimetse. Ka gale o ne a rata go tshwaela, a ganetsanya, a bolela ka moo go se ope yo o ka mo laolang ka teng. Ngwana o ne a ntse a mo palela. Ba bona gore bogolo a lebale ka gore ke a anyisa. Ausi Maki o tla bona gore o mo pota kae. Ke raya gore ngwana ga a itse letsele la ga mmaagwe. Tlhaloganyo ya ga Sofi e le mo tirong e ntšhwa e a tlang go e simolola. Tsa mekgatho di ne di tla mo dia. O ne a setse a simolotse go ikatisa gore mmele o boele mannong ka bonako. Le fa lesea le lela o ne a sa di tsene. O belege go lekane. 

Tori o ne a itlhabolola. A tsena metsotso e ka nna masomamararo go ya go ura pele ga nako kwa tirong. E le wa bofelo go tloga. A ipholetšha sešwa. Thekiso ya tlhatlhoga. Bontsi jwa bareki e ne e le makgarebe. Ba ne ba sa tlele go reka gonne diapara tsa lebentlele leo e le tsa banna fela. Ba tletse fela go bona Tori ba re gongwe ba ka mo gapa maikutlo. Mme fela ba iphitlhele ba rekile. O se lebale borethe jwa loleme lwa gagwe.

Lentariana Antonio a mo okeletsa mogolo. Botshelo ba boela sekeng. Ya nna Tori ole wa ponto le šeleng. A bile a romelwa moseja go ya go bona meaparo ya ditlha tse di farologaneng. Batho ba Aferika Borwa yotlhe ba ne ba utlwa tsa moaparo mo go Tori. A laletswa kwa manyalong go tla go apesa banyadi. Le dikgaisanong tsa bommabontle a nna moatlhodi. Le ba dimakasine ba rata go mmotsa maikutlo a gagwe ka meaparo. Fa Tori a ne a re seroki se a kgona, o ne a dumelwa mme se tseelwe kwa godimo. Fa Tori a ne a ka re ga se tsona, le fa diaparo di ne di ka nna dintle jang, seroki seo se ne se lebala ka tiro ya go roka. 

A kgona go kokoanya borraMatome, malomaagwe go ba begela ka maikaelelo a gagwe a go gorosa. ‘Monna o dira jalo, ngwanaka. Ga re a tshwanela go ba letla ba tlisa molato. Ba ka tla ba re turela, ra ba ra iphitlhela re ntshitse le madi a le mantsi a a sa tlhokafaleng. Bagwe mo tšheleteng! Maloba fa, tsala nngwe ya me e ne e iphitletse e duela molato. Kare monna wa batho o reka pompana ya bupe le ya sukiri. O kile wa bona kae lesea le ja sukiri? Re tshwanetse go ba tlhalefela batho ba. A mmaneago a kwale lekwalo gona jaanong Matome a le ise. Re fitiseng bothata jo ka pele. Mmaago ke tla mmegela gore go tsamaega jang.’ 

Lekwalo la kwalwa la isiwa. MmaSofi a le amogela. Sofi e ne e le gona a bonang Matome morago ga nako e telele. Matome ka a na le neo ya go repisa motho, Sofi a iphitlhela a phuthologile. A mo sebela tlhwatlhwa e e beilweng le moetlo o o diragatswang. Tomi a begela bagagabo. 

MmaSofi le mmamalome go tilwe ba se nne teng mo morerong gonne ba ka tlhaga ba lwa fa pele ga baeng. Malome o laleditse ditsala tsa gagwe ya nna e kete ke losika. Thulaganyo ya lenyalo e tsamaile sentle kwa ntle ga kgaruuruu. Malome a bo a ba begela ka bolwetse jwa ga Sofi. Ena o ne a itumeletse gore o a nyalwa gonne e ka tlhaga ya nna matlhabisa ditlhong go nna ka lesea le sena rraalo. Le molwetse Sofi e ka nna morwalo mo go batho ba bangwe ba ba ka eletsang go mo nyala. Go botlhokwa go nyalwa ke Tori yo o itseng maemo a gagwe. Masika a mabedi a kopana. Tsa tshwaragano ya kwa ga magiseterata tsa beelwa beke e e latelang. Matome o ne a tshepisitse go kopa Moruti Mokone go ba tshwaraganya sentle kwa kerekeng le fa e ne e se maloko a kereke semmuso. 

Mokgadi a kgona go eta sentle gonne tsala ya gagwe e ne e boile. Le fa maemo a ne a sa tlhole a tshwana le pele, ba pateletsa botsalano, ba ithutana sešwa. 

Beke e e latelang Sofi le mmaagwe ba ne ba ile teropong go ya go baakanya meriri le go nwa kofi. Letsatsi le le latelang e ne e le la tshwaragano ya ga Sofi le Tori kwa ga magisiterata. Ausi Maki o ne a gakgamatswa ke go bona tlhogo ya ngwana e gola. A tlola terata go ya go baagisani go ya go batla thuso. Ba tlhaga ba siane. E ne e le lwantlha ba tsena kwa gabo Sofi gonne ba ne ba sa buisane nabo. Matlho a tletsetletse ntlo go bona manobonobo a lapa la gabo Sofi. Ba letsetsa bookelo mogala go bega Bothata joo. Diambilanse di ne di seyo ka ntlha ya gore bakganni ba ne ba le mo mogwantong. Ba tshwanelwa ke go rwala lesea ka koloi ya bona go le isa bookelong. Kwa teng thuso ya potlako e tsere lobaka lo loleele. Ngwana a lepeletse, matlho a biloga o kare o tla neela mowa. Ngaka ya goroga, ba mo rwalela ka fale. Ba kgona go mo thusa. 

BoSofi fa ba goroga maitseboa ba fitlhetse go tletse mo ntlung. Mmaagwe a galefela baeng, a ba koba jaaka dintšwa. Ba rile ba leka go tlhalosa, a gana go utlwa. Ba tswa ba nyefola. Ausi Maki a kgona go bega se se diragetseng. Ba rotogela kwa bookelong. Kgala e iphile maatla ka ba kobile bathusi ba bona. Ngwana o ne a le ditšuputšhupu mo mmeleng. Tlhogo gatwe e ne e tletse metsi mme ba kgonne go a fokotsa. Sofi – mmapelwana a nnetse sello. Tori a itsesiwa mmogo le bamasika. 

Bothata ya nna gore a go tswelwa pele ka tshwaragano kgotsa go letwa gore ngwana a fole. Mo mpeng ya bosigo jalo ga tshwarwa khuduthamaga ya masika kwa gabo Matome. ‘Rra, bomma, se se re tlisa mo lobakeng lo lo masisi. Potso e re ntseng re e potologa rotlhe ke gore a bana ba rona ba nyalana ka ntlha ya fa ba tshotse ngwana kgotsa ka ntlha ya fa ba ntse ba ikaeletse go nyalana.’ Ga bua rraago Matome. ‘Morwarre o a bua. Ebu, ke potso e e masisi. Mo gongwe re bipa boatla ka go ba nyadisa. Etswe setso sa rona ke gore go se nne le ngwana yo o latlhiwang. Bolwetse jwa lesea bo re lemosa gore gongwe go mabaka a re iphapantseng nao. Maloba re amogetse bogadi go tswa go lona mme ga go sepe se se supang ntlha eo.’ Ga araba malomaago Sofi. ‘O raya jang monna etsho?’ RraMatome a botsa a gakgametse. ‘Ke raya gore ga go madi a a tsholotsweng. Badimo ba kwatile.’ 

‘Rra, ke se go tsene ganong,’ ga tshwaela mmaMatome, ‘o seke wa re bolelela ka badimo ba gaeno. O ipotse gore sentlesentle mmaago ngwana fa a sale a sa tlhokomele ngwana, a mo tlogela mo diatleng tsa motho fela o a bo a akantse eng. Ga a ise a ke a rate ngwana wa ga Tori. O dinala di rothang. O tlhola a ebela le naga o kare ga se motsetse. Dilo tsotlhe tse re a di bona. Ngwana o lwetse motshegare. A kere fa a kabo a tsamaile naye a kabo a mo isitse sepetlele ka bogaufi kwa teropong. Le e bitsa ngwetsi yona ele?’ ‘Nnyaya tlhe, mmaabo. Se galefe.’ RraMatome a okobatsa mafatlha a mogatse. O ne a galefile mogatse. A tswa ka phapuse a mumura. 

Mmamalomaa Sofi a bona fa a iponetse molekane. ‘Mma se tsamaye. Ga go ka tsela e re ka siamisang dilo ka teng. Ga ke bolo go bua ka re Sofi ke motlapa. Le go anyisa ga a ise a ke a anyise ngwana yole. Nna ka re bolwetse jo bo tlisitswe ke tlhoafalo ya ngwana mo go mmaagwe. Go tlhoka lerato bagaetsho. Le kwa sekaleng baoki ga ba fetse go kgalema ka ntlha ya go ota ga lona. Ngwana o rile go lela a baya fatshe. Ngwana o ne a le bodutu. A sa otlhege. A le monnye, a sa tshwane le bana ba bangwe ba ba lekanang nae.’ MmaMatome go utlwa tsotlhe tse a fegelwa. ‘Eng! Lwa utlwa. Lwa utlwa. Fa a palelwa ke lesea, lapa lona o tla le kgona jang. Ke dumallana nao. Motlapa, Sofi. Mo godimo ga moo a re ga a itekanela mo mmeleng. Go itse mang gore ke seipato fela. Fela nna ka re a nyalo e emisiwe.’ ‘Monna, a o ke o didimatse mogatso.’ ‘Le wena didimatsa wa gago.’ Banna ba palelwa ke go didimatsa basadi ba bona. ‘O ntseetse mafoko,’ ga bua mmamalomaa Sofi. ‘MmaSofi o paletswe ke go godisa Sofi. A mo tlise kwa go nna ke mo lae sentle. Ke mo rupise. E nne mosadi wa sebele. Mo godimo ga botswa ke boganana. Sofi o ka se mo gakolole ka sepe. Ga ke itse gore a Tori o tla mo kgona.’ 

RraMatome: ‘Bomma le wena rra, ga ke dumele gore Tori o ne a ka nyala motho yo a sa mo itseng. Lo ntse lo kgemetha ngwana wa batho lo sa lebe tse di siameng ka ga gagwe. Se se botlhokwa ke eng, dinala kgotsa boboko? Sofi o rutegile e bile o setse a bone tiro e e tla mo duelang madi a le mantsi. O kgonne go wetsa dithuto tsa gagwe a ntse a rapame mo bolaong. A lona lo ne lo ka kgona seo? Ba teng basadi ba ba dirang ditiro tse rona re itseng e le tsa banna fela. Mosadi a ka tlhatlhamolla khomphutara a ba a e baakanya! Nnyaya, tlheng. Akanyang gape. Ga ke gane gore lesea le tlhokile tlhokomelo. Ke a dumela e bile gore se e tla nna thuto mo go ena. Fa a ka bo a sa rate ngwana yole, le sepetlele a kabo a sa ya. Le buile le lona gore o mo sellong fela. Nna ka re o tlhoka go gakololwa jaaka e le ngwana wa rona rotlhe. Fa a sa bona thuto kwa gae. Re tla tshwanelwa ke go e mo naya. Gore bolwetse jwa lesea bo tlhodilwe ke eng, re tla utlwa ka dingaka kwa sepetlele. Le rona fa gae re tla mmaya mo dithapelong.’ 

‘Ka mafoko a mangwe, o raya gore nyalo e tswele pele?’ Ga botsa malomaago Sofi. ‘Ee morwarre. Go saena ga go tseye nako e telele. Ba tla dira fela jaaka go ne go rulagantswe.’ ‘Jaanong ka ke ne ke setse ke kaile gore badimo ga ba robala…’ malome a botsa e kete motho a inanatha. ‘Rra, rona fa lapeng fa, tsa badimo ga re di tsene. Lona fa lo batla go dira sengwe, tswelelang. Ga re lo thibele mme le se makale fa re sa tle.’ A khutla a ema go bontsha gore o batla go wetsa kgang e e sa bolong go rerwa e. ‘Re a utlwa, rra. Re tla kopana kwa ga magisterata ka moso.’ 

Fa ba le mo tseleng, mmamalomaaSofi a tswelela go ngunanguna: ‘Ija, Moremi o bolawa ke segompieno. O nyatsa setso sa rona. Re tla kopanya jang malapa a mabedi fa ba sa tle moletlong wa badimo. Bogolo re tlogele! O utlwile ka moo a neng a buelela Sofi ka teng? Ke bona gore maikaelelo a bona ke gore ba je tšhelete e Sofi a tlileng go e dira. Kana motlogoloa bona Tori, ga a rutega. Ke sa ntse ke boeletsa kare ga le yo lapa le le ka tsayang ngwetsi ya setshwakga jaaka Sofi. Ba batla gore ba phuthe mabago a ba berekele.’ MalomaaSofi a nne a re ngolo! A itima manganga. Ba bo ba goroga kwa gabo Sofi a ntse a didimetse. 

MmaSofi o ne a ntse a ba letile le fa bosigo bo ne bo le magareng. Tori e le lantlha a robala kwa gabo Sofi. Ba le mo tebellong; ba emetse go utlwa tse bomalome ba di sweditseng. Fa bomalome ba goroga ba bua fa lenyalo le tswela pele le fa ngwana a le kwa bookelong. Ba tlhalosetsa mmaSofi tsotlhe tse di builweng le gore ba lebale ka moletlo wa badimo gonne ba gabo mosimane ga ba o batle. E tla bo e le go senya nako le madi. 

Letsatsi le le latelang ba ya kwa ga mmagisterata ba tshwaraganngwa. Sofi o ne bololetse ruri gore sefane sa kwa gagabo ga se sale kwa morago. Ya nna mohumagadi Nare-Moremi. Tori o bile a amogela morago ga ntwa e ba nnileng nayo fa Sofi a mmegela. Ke ka moo a neng a sa tlhole a kgathala gore o ipitsa mang. O ne a ka reng? Go tshwana fela le fa Sofi e le tlhogo ya lapa. O ne a mo gaisa ka dithuto le madi a tlile go bona a a fetang a gagwe. Mo godimo ga moo, lerato lwa ga Tori mo go Sofi le ne le mo dira gore ka gale a mo neye tsotlhe tse a di batlang. O ne a bile a sa batle go latlha ngwana jaaka rraagwe a tlogetse mmaagwe ka ene le bomonnawe a sa mo nyala. A sa batle gore ngwana wa gagwe a tlhoke sepe mo botshelong. Tsotlhe tse di ne di gapeletsa Tori go itshokela sengwe le sengwe. 

Mmaago Tori le bomonnawe ba le teng. Ba kgabile; ba itumetse. Matome le Mokgadi le bona ba le foo. Ausi Maki a bo a di gatile, dijotshegare. Go le boitumelo fa ba losika le ditsala ba tlhakatlhakane. E ntse e le: ‘O dira eng jaanong? Go jang kwa tirong? O tsena kae sekolo? Bona gore o godile jang. Ntshware ka ditsebe. Suna malome. Ntlele galase foo. Rona re batla dikuku. Ntlisetse mmaditlhokwana. Monyana ke wean o olosa tee.’ MmamalomaSofi a tsuputse molomo, a sa batle go bua le ope. O sele a itswaletse ka kamore a nwa Thoothoo. A gana ka dikuku fa batho ba di kopa. Fa a tswa a ya ntlwaneng, a notlela kamore. Se se makatsang ke gore o bakile dikgaragana mme le tsona o gana go di abela batlamoletlong. Kokoago Matome ka e ne e le Mopedi, a sa fetse go bua ka moo Batswana ba timanang ka teng. Ngwana wa gagwe le ena a mo tlatsa a re kana Batswana fa ba ka re ‘diphala di lekane baletsi’, ba ipheditse. Motho o tla emela dijo di sa tle. MmaSofi o lekile go bua le mogoloe gore a kgale mosadi wa gagwe. O ne a mo tlontlolola ka maitshwaro a gagwe. Mogoloe a gana. O ne a itse gore fa a ka bua, ntwa e ne e tlile go tsoga. Bogolosegolo morago ga Thoothoo. 

Ka ura ya boraro Tori le mogatse ba ikopa go ya bookelong go bona ngwana. Ba fitlhetse a le kaone thata e bile go bolelwa gore a ka tswa mo malatsing. Fa ba tsena kwa lapeng ba kgona go keteka ka phuthologo morago ga go utlwa dikgang tse di namatshang tseo. 

Ka ntlha ya fa lesea le ne le sa le kwa bookelong, Sofi a palelwa ke go ya bogadi. O ne a tswelela go nna kwa gagabo morago ga lenyalo. Tori o rile ka Latshipi maitseboa a boela gae le mmaagwe le bomonnaawe. Mo gongwe Sofi o ne a thusegile gonne tsa bongwetsi a ne a sa utlwane le tsona. O ne a rapela gore ba bone ntlo e e leng ya bona go fapoga bongwetsi. Kakanyo ya go tswa mo ntlong e kgolo ya gagabo go ya kwa karatšheng ya ga Tori, e sa mo tseye pila. Kwa tirong ka nako ya dijotshegare, Tori a kgona go ya kwa barekising ba dintlo mme a tshepisiwa ya kwa Diepkloof. Batho ba ba neng ba nna mo go yona ba ne ba fudugele kwa teropong mme ba e rekisa. E ne e le kgolo. E siametse Sofi. O ne gape a tla nna gaufi le tiro ya gagwe kwa IBM kwa Sandton. 

Ngwana a tswa kwa sepetlele. O ne a kgatlhisa a le mafuranyana. Sofi a ikana go mo tlhokomela le go feta pele. Ba fudugela mo ntlung e ntšwa yona beke eo. Banni ba yona ba pele bare ga ba bolo go tlhoka bareki mma e rile go tlhaga boTori, ba phetha tsotlhe ka bonako ba leba teropong. E ne e le letlhogonolo le legolo thata mo go Sofi. Mmaago Tori a ba kopa gore ba tseye a le mongwe wa bomonnaawe go nna nabo. Sofi a tshosa ba le bantsi fa a ne a re nnyaya, a go tle bobedi. O ne a re ka bona o tla ikutlwisa go nna le bomonnawe. 

Tori ka ntlha ya maitemogelo a magolo a gagwe a tsa kgwebo ya diaparo, a tlhophiwa go nna mookamedi wa lekala le lešwa la kgwebo ya ga Antonio’s. Madi e ne ya nna motlele le fa a ne a fitiwa ke a ga Sofi. Ba tshela ka phuthologo segolo jang ka gonne tsotlhe di ne di tsamaya ka fa Sofi a neng a batla ka teng. 

Matome a dira sentle kwa yunibesithing. O ne a emisa go nyala Mokgadi, a batla go wetsa dithuto tsa gagwe pele. Mokgadi o ne a sa bone bothata gonne a santse a tsenya bomonnawe sekolo. O rile mo a sa naganang teng, a ima. ‘Khante Mokhadi, o ne a sa tsamaye tliniki?’ A botsa a tshugile. O ne a tshaba rraagwe gonne a mo kgalemile thata morago ga go bona dilo tsa ga motswalae di mafarakane. ‘Wa reng? O ne o ithaya gore ngwana o tla jang mo lefatsheng? Goreng o botsa potso ya mofuta oo?’ Mokgadi a botsa ka tšhakgalo. ‘Mokhadi ga re bolo go ratana nna le wena go se na ngwana. Go tla jang gore ka tshoganetso jaana a bo a itelekela? Kgotsa o fedile pelo ga ke re re emise ka tsa lenyalo, wa iteseletsa? Ga ke ise ke fitlhe mo maemong a ke a labalaletseng mo botshelong. Ga go na gore nka ipitlaganya le botshelo ka ngwana. A gone ke ngwana wa me? Ga re bolo go nna mmogo go se sepe se se diragalang. E se re gongwe o bone ngwana yo fa o ne o tsere loeto go ya go tshameka bolotloa? Go itse mang?’ O ne a buela ka bonako, a fegelwa. Mokgadi a didimetse a reeditse. Dikeledi di itshekile. A sa batle go bontsha Matome gore o mo kgopisitse mme a palelwa ke go itshwara. ‘Ao Tomi ke wena o buang jaana. Nako yotlhe e ke ntse ke re o a nthata. Kante o tsamaisa nako fela. A ruriruri o ka mphuaganya jaana mo nakong e ke go tlhokang ka yona? Ke sa bolo go go ema nokeng fa o ne o sa dire. Ke go rekela le diaparo. Ke go direla dilo tsotlhe. A tota o tiisitse, moratiwa?’ A bua lentswe le roroma; a ntse a sunetsa mamina, matlho a hibitse ke go lela. ‘Mokhadi, o ntshoganyeditse. Dilo tsotlhe tse o neng o ntirela tsona, o ne o di dira gonne o ne o rata. Ga go ope yo o go gapeleditseng. Fa o batla nka go duela madi otlhe a o a ntueletseng ona.’ Matome o ne a sa bontshe letswalo lepe fa a ne a bua. Matlho a gagwe a ne a fetogile. E se Matome yo re mo itseng. 

Mokgadi a tswa mo phaposing ya ga Matome a rwele mahube ka tlhogo. Matome a se ka a mo ntsha le ka kgorwana. O tsamaile jalo ka dinao, go sena thekisi. Fa a fitlha kwa ga gabo, a nna kwa ntle a feleletsa selelo gore bomonnaawe ba se mo kgabelele a lela. A bula kgoro morago ga lobaka, a tsena. Mmaagwe o ne a setse a tsogile a re o utlwile motho e kete o a sunetsa kwa ntle. A palelwa ke go itshwara, a phunya sekaku. MmaMokgadi a utlwa botlhoko ka a ne a itse fa Matome e le ena fela lekau lwa ngwanaagwe. ‘Mokhadi ngwanaka, Matome o itatotse ngwana. Ga go na gore re ka mo gapeletsa go amogela se a se dirileng. Wena o se dire sepe se se kotsi. Ngwana re tla mo godisa. Ke ba ba bangwe ba tletse ka ntlo. Re tla sokola ka yo fela jaaka re sokotse ka ba bangwe.’ Mokgadi a lela le go feta ka a ne a ipoleleletse gore ga a kitla a gata fa tlhako ya mmaagwe e gatileng teng. Rraago Mokgadi o ne a nyelela, a boe, a nyelele mme e re fa a tsamaya a tlogele mmaagwe a imile. Mmaagwe o ne a le bonolo, a sa kgone go koba rre yoo wa motlapa, yo o tshabang maikarabelo. Mokgadi o ne a le motlotlo go bo a weditse dithuto tsa gagwe, a dira e bile isagwe ya gagwe e tshepisa. A itse fa a letilwe ke lekau le le maitseo le botho e bong Matome. Motho – naga! 

Nako ya tsamaya fela jalo go didimetswe go sa buiwe sepe ka ga boimana jwa ga Mokgadi. Sofi ka a ne a nna kwa Gauteng le mogatse, ba tlhoka nako ya go bonana jaaka e ne e le setlwaedi. Tota le ka nako ya pelegi, go ne go se ope yo o tlileng go mmona. Ba gaabo Matome ga ba ka ba rulaganya sepe le ba gabo Mokgadi gonne Matome a sa ba bolelela sepe. Le fa dipuo di tletsetletse mo motseng, ga ba di isa tlhogong ba letile fa mong wa tsona a ba begela semmuso. Rraago Matome o ne a ipoleleletse gore fa Mokgadi a ise a begiwe, ga se ngwetsi ya gagwe. Ka gonne Matome o ne a mo upa ka kamore, a sa mo itsise batsadi, ba itlhokomolosa tiragalo e le fa e ne e direga mo matlhong a bona. E ka se re mosetsana a tlhola a boaboeleletse kwa lapeng lwa ga bone ba itira ba ba sa boneng. Matome o ne a tswelela ka botshelo jwa gagwe ntle le go tsaya maikarabelo a lesea. 

Mokgadi fa a tswa kwa sepetlele, go ne go se yo o mmayang botsetse. A itirela dilo tsotlhe mo bokoeng jwa gagwe. Mmaagwe o ne a dira kwa difemeng a palelwa ke go tsaya malatsi go tla go nna naye. Kgabagare a tsenwa ke bolwetse jwa mafatlha. Le gona a tshwanelwa ke go ikoka. Maiteko ao a retela. Mmaagwe o rile tsatsi lengwe a boa tirong a fitlhela batho ba tletse ka ntlo, yo mongwe a anyisa lesea mašwi ka lebotlolo. Lesea la bo le nnetse selelo le sa gomotsege. Fa mmaMokgadi a gakgametse jalo a kgatlhantshiwa ke mongwe wa ditsala tsa gagwe a mmolelela ka mahutsana a a tlhotseng a diragala motshegare. Setopo sa gagwe sona se setse se tserwe ke ba ga Bafa. MmaMokgadi a tlhoka molomo, a tlhoka selelo. Mmele wa gagwe o o mafura wa phutlhama a latela morwadie. Selelo sa amogangwa ke ba tla matshidisong. Go se yo o itseng balosika lwa bone le gore monna wa mmaMokgadi a ka batlelwa kae. 

Dikgang ga di lale. Tsa fitlha mo ditsebeng tsa ga Matome. A tsenwa ke tsebetsebe. A leka go ka dirolola dilo go tswa kwa kitsong ya gagwe ya ga Mokgadi. A palelwa. 

MmaMatome moso o o latelang a gakgamala gore goreng a ise a utlwe modumo wa koloi ya ga Matome e tswa ka lapa. A ya go kokota kwa phaposing ya gagwe. Matome o ne a lwala mo moeng. Tlhogo ya gagwe e ratharatha ke go akanya phetelela. Dijo tsa maabane di le fa bojelong di sa angwa. Rraagwe a mo isa bookelong. Diteko tsa rarana. Ba mo isa kwa balwetseng ba tlhogo. Baoki ba ne ba lala ba opelwa mokgosi ke monna a re o tebetswe ke lesea le golagane ka khujwana le mmalo. O ne a lwa le se baoki ba reng se bonwa ke ena a le esi. A gana go tswa ka kgang. 

Phitlho ya ga Mokgadi le mmagwe e ne e rulagantswe ke baagisani ka madi a ba ntseng ba a bolokela dintsho. Kgomo go tlhabilwe mokoduwe wa nama e e gagametseng. E ne e le matlhotlhapelo. BoTori ba ne ba tlile go boloka tsala ya bona. Kutlobotlhoko ya ga Sofi e ne e le kwa botennyeng fa a gakologelwa ka moo Mokgadi e neng e le ena fela tsala ya gagwe. A sa gomotsege e bile a ikotlhaya gore ke ka ntlha ya eng a ne a sa mo lekole a fetisitse nako e telele ntle le go itse ka ga tsa botshelo jwa gagwe. Sebe sa phiri ke gore go ne go le thari. 

Bontsi jwa batho bo ne bo tlisiwa ke go bona tsamaiso ya phitlho le fa ba ne ba sa itse Mokgadi ba mo utlwela ka magwate. Moruti Mokone o ne a tsamaisa thulaganyo ya phitlho. O ne a re ena ga a tle go boka baswi, o tlile go bua le ba ba setseng. RraMatome ka e ne e le mogogi, a bo a patile moruti. Bophara jwa thero bo ne bo mo tlhaba maikutlo gonne o ne a itse Mokgadi mme a mo itlhokomolositse. O ne a itse ka se se neng se diragala mo kamoreng ya ngwana wa gagwe mme a itshetse moriti o o tsididi. Thero e ne e sokamatse thata ka mo batsading ba ba sa kgaleng bana ba bona ba basimane. ‘Bontsi jwa malapa a a senang borre a tlholwa ke go sa neiwe molao kwa gae ga basimane ba sa le bannye. Maikarabelo ga a mo basading fela go godisa bana. Borre ba kae ba ba nonofileng mo tumelong go ka aga setšhaba sa botshepegi?’ A botsa a galefile, moruti. ‘Go tla diragalang ka lesea lwa ga Mokgadi, kgotsa bona bomonnawe? A e tla nna dikhutsana borraabona ba tsene ka lenga la seloko?’ Ga dumaduma kwa kerekeng fa moruti a botsa dipotso tseo. Mongwe a re ga ba tlela go sekisiwa. Yo mongwe a re ga ba tla go tlontlololwa ke moruti wa lekgwatlha fa yo mongwe wa bomme a goa ‘Amen!’ kwa godimo. 

Makese a ne a dirilwe ka phaene. Mokoloko o ile kwa diphupung ka kutlobotlhoko. Mongwe le mongwe a ipotsa gore rraago lesea o le tsamaya kae. RraMatome ena ga a ka a ya kwa diphupung. O nanogetse kwa go morwawe. O mo fitlhetse a golegilwe ka diketane gonne a ne a garaswantshitse baoki le balwetse mo mosong. Tumelo ya tswa gotlhelele mo go ena. Maitsholo a go itlhompha a mo tlogela. A lela jaaka ngwana fa pele ga baoki a lelela Matome yo o neng a tlhamuketse ditete le mamina. Go bolelwa fa a ne a apesitswe mongato gonne a letse a itshentse. O ne a sa bontshe gore o lemoga rraagwe. Banna ba ba kwenneng le fa ba mo tlosa moo ba mo isa kwa phaposing ya gagwe. 

RraMatome o tswile koo a leba gae a obile tlhogo. O ne a ithaya a re batho ba itse bothata jwa gagwe mme a tlhajwa ke ditlhong. Mmaago Matome a sa itse gore ba ka bo ba dirileng go ka tila bobe jo. Dikakanyo tsa nna tsa dikologa mo bobokong jwa gagwe go se kwa tharabololong. Bosigong joo Tori le Mokgadi ba robetse kwa ga boMatome go leka go ka buisana nabo ka ga tse di tlhagileng. Rraago Matome o ne a tumile ka go rarabolola mathata e tswe mo nakong eo o paletswe ke go ka akanya. E ne e kete le ena o timeletswe ke tlhaloganyo. Bolwetse jwa ga Matome bo ne bo mo amile thata. Bogolosegolo ka ntata ya gore Matome o ne a fetogile, a dira e bile a boetse sekolong morago ga lobaka lo loleele a ntse a fokwa ke phefo. 

MmaMatome a swetsa ka gore rraMatome le Matome ba tlhatlhobiwe ke ngaka ya setho. Moila o o wetseng lapa la bona o ka kgonwa fela ke yona. RraMatome a gana go tlhatlhojwa ke ngaka. ‘Nka se tlhapisiwe ke monna yo o leswe wa manga mo maotong.’ A bua a le mo maibing. ‘Bogolo ke swe go na le gore ke ye kwa ngakeng. Nka mpane ke swa go na le gore ke alafiwe ke matwetwe. Ngwanake o tla siama. Lo se ke lwa mo ntsha kwa bookelong.’ Mogatse a re ba se mo ise tlhogong, o tlhoka thuso. ‘Bona jaaka a fetogile lesea. A phutlhama fela kwa ntle ga lebaka. Nna ke tla mmonela thuso. A re mo rwaleng!’ RraMatome a ragaraga mme ga se thuse sepe. Ba mo isa kwa Maboloka kwa ngakeng e e neng e tumile ka malwetse a tlhogo. Fa ba tsena fela ka kgoro a neela mowa. Ngaka ya ba busa ya re yona ga e alafe ditopo. E ne e tshaba gore fa a ka fitlhelwa kwa go ene go tla twe ke ena a paletsweng ke go mo fodisa. Ba leba kwa Bafa ka mabetwaepelo. 

Sofi le mogatse ba boela gae ka Latshipi maitseboa. MmaMatome a sala a tlhalosetsa batshedisi gore monna wa gagwe o tsenwe ke bolwetse jwa ga Matome bobe mme mmele wa palelwa ke go ka ema kgatlhanong le kutlobotlhoko eo. Ruriruri dintsho tse di kana, ke botlhodi! Modi wa tsona ke ofe? Kalafi ya tsona ke efe? Batho mo motseng ba ba boneng rraMatome a tsaya tsela e sele fa go iwa diphupung ba leka go kopanya dintlha tsotlhe tse. Bangwe ba re o ipolaile. Bangwe ba re Matome o mmeditse mme a swa gonne morusu kwa sepetlele o utlwagetse mo motseng. Bangwe ba re o lekile go utswa setopo sa ga Mokgadi mme a betswa ke dipoko kwa diphupung. Bangwe bona ba re o bolailwe ke ngaka ya kwa Maboloka.

Beke yotlhe ga nna go dumaduma ka ga dikgang tsa ga Mokgadi le Matome. Ya nna tsebetsebe mo motseng. 

Bomonnaawe Mokgadi le lesea la gagwe ba tsewa ba isiwa kwa lapeng lwa dikhutsana. Ntlo ya tswalwa ka mfiko. Ba lekgotla lwa teropo ba leta go se go nene pele ba ka e rekisa. Maikaelelo e le gore gongwe mongwe wa lesika kgotsa rraago bana a ka tlhagelela. 

Ka nnete rraago moso Mokgadi a goroga. O ne a tsamaya ka koloi ya mabaibai a patilwe ke kgarebe ya maratagolejwa e ka nna dingwaga tsa ga Mokgadi. Baagisani ba bo ba setse ba dule ka diokomela bagwe. Ba tsena mo tlung lobaka lo loleele. Wa ka fa lebogong la moja, moagisani, a tsena go ya go bona se se diragalang. Ba se ke ba mmifela mme ba bua ka moo ba tsileng go rekisa ntlo eo ka teng. Moagisani a tlhalosa ka ditiragalo tsa beke e e fetileng. Moeka a bolela fa tsotlhe tse di diragetseng mo lapeng lwa gagwe a di itse. O ne a re o ntse a fela pelo gore mosadi wa gagwe o swa leng a tle a iphine ka mokaragana wa botshelo. Moagisani o dule ka foo a nyemile mooko. 

Lekgotla lwa kereke lwa kopana go tla go sekaseka magatwe a mogogi wa bona. Go ne go se na bopaki jwa gore o bolailwe ke eng. Motho yo a ka neng a ka tlhagisa dintlha tsa botlhokwa e ne e le Tori. Mosadi wa ga moswi o ne a ntse kgang ka marago. E ne e tla nna matlhabisa ditlhong go utlwa gore mogogi o ile kwa ngakeng a sa bolo go rerela batho kgatlhanong le dingaka. Tota le gore o rile bogolo a swe go na le go ya koo, ba ne ba ka se ka ba itse. Ba ne ba sa itse le ka maemo a ga Matome gonne mmaagwe a ne a re o kwa Gauteng kwa ga Tori. Go ne go le thata go itlhokomolosa magatwe a batho le fa dikgang tsa bona di sa tshwane. 

BoTori ba rwele matlapa lona tsatsi leo la phitlho ya ga Mokgadi. ‘Sofi, re tswa kgakala nna le wena. Ga ke batle go nna ke omana le wena. O mpolelele fa ke go tshwenya. O seke wa tshaba go bua.’ Tori a bua a boetse mo boleteng. ‘Ke mang a rileng letlapa le thata le go thubega. Mogatsake o nna bonolo.’ Sofi a akanya ka monyebo. ‘A go raya gore o tla ntherisa fa o dira sengwe?’ A botsa. ‘Ke tla leka.’ 

Beke e e latelang RraMatome a bolokwa. Batho ba ba neng be ile kwa phitlhong ya Mokgadi le mmaagwe ba bo ba le teng. MmaMatome a khurumeditswe ka dikobo a faraferwe ke balosika gammogo le mmaTori. Thero ya ga Mokone e tletse kgalemo e bile a bitsa batho ka maina. 

Botlhodi jwa leso lwa ga rraMatome le gompieno ga bo itsiwe. Botsenwa jwa Matome jona jwa ya magoletsa, a phela a ritibaditswe. Sofi le monna wa gagwe ba tswelela ka botshelo jwa bona le ngwana wa bona a sa tlhole a tshabelelwa ke malwetse. Maemo magareng ga mmaSofi le Tori a na le go kaonafala, fa fela Tori a ntse a tshamekela kgakajana nae. Morago ga ditiragalo tshotlhe tse, ba ikana go tshwaragana le go feta, go se nne sepe,

Google GmailTumblrFacebookPinterestTwitterWhatsApp
Tagged with:
Posted in Fiction
Archives